LAUGH WITH Machine

LAUGH WITH Machine

Share

A lways laugh when you can. It is cheap medicine.

~Lord Byron

14/11/2025

Kgarejwana ya maratagolejwa Mmagoratwa( kgotsa Maggie, jaaka a ne a rata go ipitsa), tota ene o ne a sa beye sebete lekoko la borre le leneng le tlhola mo tlase ga setlhare sa morula, ba dikaganyeditse nkgwana ya ga Mmaphafana, ba e omanya go tswa mosong go fitlha bosigogare. Kana tshetlhana e, ya ga MmaP, le lone leina abo a le fetotse a ipitsa Margret. O ne a tlhola ka ntlo a tshaba letsatsi, mme ere le fa a ka tswela ko ntle a bo a ikhurumeditse ka diaparo tsa mabono, dithiba letsatsi tsa matlho, hutshe le sekhukhu; mme tseo tsotlhe di time ba ba kontle go bona bontle ja gagwe.
E ne ere a itswaletse mo ntlong, Maggie, a bo a reeditse tse di buiwang ko ntle ke lekoko la nkgwana, mme a tlale shakgalo mo eneng ekete o ka ba karapa ka metsi a a belang. Tota ene o ne a sena yone kelelelo ya go lemoga fa nkukuagwe a mo godisitse ka masheleng a yone nkgwana e, ha e sale go hulareng ga ga MmaMaggie yo o saleng a iketse badimong Maggie e le leseanyana.
Letsatsi lengwe Maggie a tsoga le setse le mo hisitse marago e bile a gotetse. Ga bo go le tidimalo e kgolo e a sa e tlwaelang mo ga nkukuagwe, yo aneng a kubugetse go ya go kopa dibediso. Tuulalo e eneng e le mo tlase ga morula, ene e ka tlisa kakanyo ya gore mongwe o dule ka motse, mme nnete e le gore nkgwana ya ga MmaP, e phaphaletse jaaka yone ya setswerere. A bohutsana ruri. Tidimalo e ya dira gore Maggie a dumele ha e le letsatsi la gagwe la kgololesego, mme a simolola go tlhabeletsa difela ka lentswe le le molotsana a ntse a itimola mogote. E rile morago a tsaya toule a e apara jaaka sekete, mme a tsaya sekotele go ya go tsholola metsi. E rile go mmona, ntsanyana e tshumu, Sepoti, ya akanya gore ke jaaka motshameko wa bone wa letsela o simologile. Ntle le go dia sebaka, ya phamola toule, ya tshaba ka yone. Ijoo! Kgarebe ya latlhaganya sekotele sa metsi, mme a thiba ka diatla ko a belaelang matlho a ka tabogela teng, pele ga go tshabela ko ntlong. Ba ba neng ba tshwere kgofe, ba tsositswe ke setshego sa banna ba utlwala ba itumetse thata. Gatwe mongwe o utlwilwe a kuwa are, ''phatsi!!! Ha o sa bona o jelwe!'' Mongwe a tobetsa mosokelatsebeng a utlwala a ikgantshetsa tsala ya gagwe are, '' o tla ja boroko joo ja gago, rona nonyane tsa matsogapele re le tima mananeo a lekgoanyana la ga MmaP...''
***T.B.C*** Nna o butse matlho........E tla tswelela.

Want your business to be the top-listed Beauty Salon in Gaborone?
Click here to claim your Sponsored Listing.

Category

Address


Broadhurst
Gaborone