Mamepe a Setswana Meetlo Maele

Mamepe  a Setswana Meetlo Maele

Share

Thusanyo ka ga maele le meetlo ka tsa setswana. bana ba dikgomo ithuteng melodi malata a sele gone e sere goutlwa sebodu wa kgaoga.

10/03/2026

Letsatsi ga le phirima le supa tlhabo ya le lengwe.

18/02/2026

Khudu ya mariga Itsiwe ke mmeye kana ke stswana.

E tiro dintle le tse di maswe tota kana o kare khuduga ya lepotlapotla. Go twa gore o tlhokomele.

O ka tshela le khudu go dira gore o hume le go tshela nako e telele.khudu e tsamaya ka boiketlo le botshelo jwa yone bo iketlile thata.

khudu ya bua ebile e ditlhaloso ka dikgapa tsa yone ga ditshwane di mefuta montsi.khudu e ka atisa diruiwa tsa gago.

Gopola khudu gore ke yone setshidi santlha sa go tshwara phokoje a tlile goutswa metsi mo le kadibeng la diphogolo.

18/02/2026

Maele le Ditlhaloso:

1Go ntshana se inong.
:Go utlwana mo go feteletseng.

2Go hema bothitho.
:Go tshwara bothata/Go tshela bokete.

3Go kgoba kgetsi.
:Go nna ka iketlo.

4Go latlhela seditse.
:Go itlhoboga/Go ineelamo go se o neng o se dira.

5 Go palama kukama.
:Go tsena mo mathateng.

6 Go kgaola molebo wa nko.
:Go senyetsa motho maikaelelo a gagwe.

7 Go nona pelo.
:Go itsholofetsa.

8 Go ditlhaolela di bekerwe.
:Go leka go thibela kana go setse go diragetse.

9 Go bopelela kgomo ya mmopa
:Go pateletsa yo mongwe molato.

10 Go ja ka loleme.
:Go kopa ka go akela ba babgwe.

16/02/2026

Lewa la Majwana a tlhapadima

Tlhapang metsi Bakwena lo a tlogeleng gaana kubu gaana selumi se metsing o tlhapa jang segwagwana tlhang Bangwaketsi bone ba tlhapa ka go aragaraga dinao.

kana go bo go laolwa sengwe hao ka bola.

16/02/2026

Bodiba jo bo jeleng ngwana wa mmago o bokatoge.

Botshelo gaese patlelo ga botshameke.

Motho ga itsiwe ese naga.

15/02/2026

Setswana gase tolokwe.

mphemphe wa lapisa motho o kgonwa ke sa gagwe.

Letlametlu ga leke lela fela labe le utlwile a magolo.

mangane sika loophage.

Setoto re bitsa sa manong.

Ga le feta kgomo letlhaba motho.

mabogo dinku a theba.

Boammaruri ga bo jelwe pheko.

12/02/2026

DIANE LE DITLHALOSO :

1 sebodu selekwa ka legano sa nko se latsa le tlala.
:Batho fa bana le kgang ba fetse ka gonna fatshe ba e rera.

2 Dipelo ga di etalane.
: Ga go motlhofu gore o itsi se motho yo mongwe a se akantseng.

3 Lefoko le pelong ga letshele.
:Go itshoka ka mafoko a sa siamang ga go monate ebile gwa tshwenya.

4 Thamaga go tuma dinang le beng.
:Batho bangwe baitsege ka masika mangwe a bone a tumileng eseng ka botlhaga jwa bone.

5 monwana o le mongwe ga o rune nta.
: Tiro e kgonwa ke go pataganelwa.

6 Seboba re bata sa mokwatla sampa rampapetsa.
:Motho o buelela ba ga bone gona le motho o sele.

7 Diselammapa ga di ratane.
: Go le gantsi bathoga ba dira tiro e lenngwe ga ba ratane.

8 korwe ga ke je ke bapalela tsetse.
:Mosadi ga a bona dijo gantsi o gopola bana.

9 Ngwana wa ga mmamotho mosidi wa pitsa re itlotsa kaene.
:Nako ya mathata motho o gopola ba ga bone pele go kopa thuso.

10 Mabogo dinku a thebana.
:Batho ba kgona tiro tsa bone botoka ga ba thusana.

10/02/2026

Seane tau e jewa serota.

Seane se se kaya gore tau e tshwanelwa ke go nna le boikemisetso le go dirisa dikgato tse di maleba go fitlhelela maikaelelo a gagwe, mme e ka swela ka ntlha ya serota (boikgantsho).

Mohlala: "Tau e jewa serota, e swela ka ntlha ya boikgantsho." - e kaya gore tau e tshwanelwa ke go nna le boikemisetso, mme e ka swela ka ntlha ya boikgantsho.

Seane se se dirisiwa go tlhalosa gore motho o tshwanelwa ke go nna le boikemisetso le go dirisa dikgato tse di maleba go fitlhelela maikaelelo a gagwe, mme a se ka a nna le boikgantsho.monna ke go emela mathata a lapa la gagwe.

monna ke go tsaya botho jwa gagwe jo bo maleba go dirisana le ba bangwe.

Boikarabelo jwa botho botswa mo pelong.

10/02/2026

Seane motho ga itsiwe ese naga! 😊

Seane se se kaya gore motho ga a tshwanelwe ke go ahlola motho yo mongwe ka ntlha ya sebopego sa gagwe sa kwa ntle, mme o tshwanelwa ke go mo ahlola ka ntlha ya sebopego sa gagwe sa kwa gare.

Mohlala: "Seane motho ga itsiwe ese naga, mme o itsiwe ka ntlha ya ditiro tsa gagwe." - e kaya gore motho o tshwanelwa ke go ahlolwa ka ntlha ya ditiro tsa gagwe, eseng ka ntlha ya sebopego sa gagwe sa kwa ntle.

Seane se se dirisiwa go tlhalosa gore motho o tshwanelwa ke go nna le boikemisetso le go dirisa dikgato tse di maleba go fitlhelela maikaelelo a gagwe, eseng go ahlola batho ba bangwe ka ntlha ya sebopego sa bone sa kwa ntle.

motho ke motho ka batho.

28/01/2026

madume ke segarona a je sa motho madume dumelang bagarona.

moso ke yo o montle bosele bosena mahube.

Want your business to be the top-listed Beauty Salon in Kuruman?
Click here to claim your Sponsored Listing.

Website

Address


Kuruman

Alerts

Be the first to know and let us send you an email when Mamepe a Setswana Meetlo Maele posts news and promotions. Your email address will not be used for any other purpose, and you can unsubscribe at any time.

Subscribe

We will notify you when anything happens in Kuruman.